Mark 13

Ditshupo tsa metlha ya befelo

1Mme ya re a tswa mo Tempeleng ka letsatsi leo, mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Moruti, dikago tse di dintle jang! Bona mekgabisa ya maje a a mo lokotswaneng jaaka e ntse.” 2Jesu a araba a re, “Ee, bona! gonne ga go na leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe, otlhe a tlaa fetoga matlotla.”

3
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 13:4.
4
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 13:3-4.
Mme ya re a ntse mo dithoteng tsa thaba ya Lotlhware go kgabaganya molatswana o o tswang Jerusalema, Petere le Jakobe le Anterea le Johane ba bo ba na nae mme ba mmotsa ba re, “Dilo tse tsotlhe di tlaa diragalela Tempele leng? A go tlaa nna le tlhagiso pele ga nako?”

5Hong Jesu a dirisa nako e ntsi ya go ba tlhalosetsa a re, “Lo se letle ope go lo timetsa, 6gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ikaya fa e le Mesia wa lona, mme ba tlaa timetsa ba le bantsi. 7Mme go tlaa tsoga dintwa gongwe le gongwe mme mo ga se sesupo sa bokhutlo.

8“Gonne dichaba le mebuso di tlaa tsogologelana, mme go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi le mauba. Mme dilo tse e tlaa bo e le dikai tsa ntlha tsa dipogisego tse di tlang. 9Mme fa dilo tse di simolola go diragala, lo tlhokomele! Gonne lo tlaa bo lo le mo diphatseng tse dikgolo. Lo tlaa gogelwa fa pele ga basekisi, mme lo tlaa itewa mo ditempeleng, lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya go nna balatedi ba me. Se e tlaa bo e le nako ya lona ya go ba bolelela Mafoko a a Molemo. 10Gonne Mafoko a a Molemo a tshwanetse go itsiwe mo merafeng yotlhe pele ga bokhutlo bo tla. 11Mme fa lo tshwarwa lo bo lo sekisiwa, lo se ka lwa tshwenyega kaga se lo tlaa se buang go iphemela. Buang se Modimo o lo bolelelang gore lo se bue. Gonne e tlaa bo e se lona lo buang mme e le Mowa o o Boitshepo. 12Mme morwa rraa motho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, borrabana ba tlaa neela bana ba bone, le bana ba tlaa neela batsadi ba bone gore ba bolawe. 13Mme lo tlaa ilwa ke mongwe le mongwe ka ntlha ya gore lo ba me. Mme botlhe ba ba tlaa itshokang go ya bokhutlong ba sa intatole ba tlaa bolokwa.

14“Mme fa lo bona selo se se makgapha se eme mo Tempeleng, mmadi, ela tlhoko! Tshaba, o tshabele kwa dithabeng tsa Judea fa go kgonega. 15
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 13:16.
16
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 13:15-16.
Akofa! Fa o le mo setlhoeng fa godimo ga ntlo, o se ka wa boela mo tlung. Fa o le kwa masimo, o se ka wa boela kwa gae go ya go tsaya madi kgotsa diaparo.

17“A bo go latlhega basadi ba baimana mo malatsing ao, le basadi ba ba amusang. 18Mme lo rapele gore go sia ga lona go se ka ga nna go le mariga. 19Gonne malatsi ao e tlaa bo e le metlha ya pitlagano e e iseng e ke e nne teng fa e sa le kwa tlholegong ya lefatshe, mme ga go kitla go nna gape jalo. 20Kwa ntle ga gore Morena a khutshwafatse nako eo ya kutlobotlhoko, ga go na le fa e le mowa ope mo lefatsheng o o tlaa bolokesegang, mme ka ntlha ya ba o ba ikgethetseng o tlaa khutshwafatsa malatsi ao.

21“Mme fa mongwe a lo raya a re, ‘Yo ke Mesia’, kgotsa ‘ke yole’, lo se ka lwa mo ela tlhoko. 22Gonne go tlaa nna bo-Mesia ba le bantsi ba tsietso le baporofiti ba tsietso ba ba tlaa dirang dikgakgamatso tse dintsi tse di tlaa timetsang ba le bantsi, le e leng bone bana ba Modimo tota. 23Elang tlhoko! Ke lo tlhagisitse!

24“Morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala mme ngwedi ga a kitla a phatsima. 25Dinaledi di tlaa wa, magodimo a tlaa reketlisiwa.

26“Hong batho botlhe ba tlaa mpona, Nna Morwa Motho ke tla ke le mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo. 27Mme ke tlaa romela baengele ba me go tla go phutha botlhe baitshenkedwi ba me go tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe le legodimo.

28“Jaanong, thuto ke e ka setlhare sa mofeige. Fa dikala tsa one di simolola go kukunya le makakaba a simolola go tlhoga, lo itse sentle fela gore selemo se setse se gorogile.

29“Mme fa lo bona dilo tse di diragala tse ke setseng ke tswa go di tlhalosa, lo ka tlhomamisa gore go tla ga me go setse go le gaufi, le gore ke setse ke le mo kgorong.

30“Ee, tse ke ditiragalo tse di kayang nako ya bokhutlo. 31Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme Lefoko la me le emetse ruri.

32“Le fa go ntse jalo, ga go na ope, le fa e le baengele mo legodimong, le fa e le nna, ga ke itse letsatsi le fa e le nako e dilo tse di tlaa diragalang ka yone; fa e se Rara fela yo o itseng. 33Mme ere ka lo sa itse gore go tlaa diragala leng, nnang lo itisitse. Nnang ka kelotlhoko kaga go boa ga me.

34“Go tla ga me go ka tshwantshiwa ka monna yo o neng a tsamaya a ya kwa lefatsheng le sele, yo o neng a baya tiro yotlhe ya gagwe mo batlhankeng ba gagwe go e dira fa a sa ntse a seyo a tsamaile, mme a raya motlhokomedi wa kgoro a re, a lebelele go boa ga gagwe.

35
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 13:37.
36
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 13:37.
37
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 13:35-37.
“Nnang lo lebeletse thata! Gonne ga lo itse gore a go tla ga me go tlaa bo go le maitseboa, bosigo, phakela kgotsa motshegare. Lo se ka lwa letla gore ke lo fitlhele lo robetse. Disang go bowa ga me! se ke molaetsa wa me mo go lona le mo go botlhe ba bangwe.”
Copyright information for TsnLEF